17/10/2024
Monna O Bolawa Ke Se A Se Jeleng
🌷1
Kedibonye o tsena mo high court ona le mmueledi wa gagwe Maipelo.
Kedibonye:nna tota ke bata go bona monna yole a palama koloi ya sepodise re tswa fa a ya kgolegelong, o tshwanetse go duelela se a se dirileng.
Maipelo:dont worry he will be jailed, he deserve it le one molao o ka se reetse lawyer ya gagwe.
Ba tsena moteng, ba fitlhela ba gorra Jack ba gorogile, mapodise le bone ba goroga ka Jack a le mo dihakeng ba mo tsenya ko a tshwanetseng go nna teng..
Mo metsotsong e sa fediseng pelo mosekise yo mogolo Mr Basha a goroga...
Prosecutor:re ka ema ka dinao mosekise wa tsena.
Batho botlhe ba ema ka dinao go fitlhela a nna fa fatshe...
Prosecutor:re ka nna fa fatshe.
Banna fa fatshe fela botlhe!
Mr Basha:re ka simolola
Prosecutor a ema ka dinao a thoma bukana ya gagwe matlho.
Prosecutor:dumelang! E ne yare kgwedi ya lwetse e ya fifing 2019 ngwaga o fetileng rre Jack Mogani a tshegediwa ke ba sepodise ka ntata ya go tshubela Rre Modiri Mowana mo koloing ya gagwe ko Metsimohlabe.
A nna fa fatshe!
Judge Basha:Ke tla simolola ka mmueledi wa ga Jack Mogani re utlwe gore kgang e buiwang ke prosecutor o ka mo arabela jang.
Mr Itumeleng a ema ka dinao a ya go ema go bapa le Jack.
Mr Itumeleng:dumela Jack
Jack:ee rra!
Mr Itumeleng:my lord! Rre Jack Mogani kgang eo ga e gane ya go tshubela Rre Modiri Mowana mo koloing, kgang e leng teng tota ke gore Jack o dirisitswe jalo ke gore o ne a le mo seemong se a sa itseng bosula le molemo, kana ene yare go tsweng fong Rre Jack a ya ko Sabrana go ya go chekiwa tlhaloganyo mme ba fitlhela a lwala.
Mmueledi wa ga Kedibonye a ema ka dinao ka bonako..
Maipelo:my lord! Kgang e buiwang ke rre yo ga se nnete ya itlhamelwa!
Mr Itumeleng:re itlhamela jang gona le tsamaiso? Kana my lord rena le bosupi wa kgang e!
Maipelo:my lord! Jack ke sekebekwa ebile o ka dira dipampiri tse eseng tsa nnete to prove himself innocent.
Judge Basha a itaya tafole ya gagwe! botlhe ba mo reetsa.
Judge Basha:kana molao o bereka ka bosupi, fa e le gore Rre Itumeleng a re Jack o ne a le mo seemong se a sa itseng bosula le molemo ke kopa mokwala wa go tswa ko Sabrana.
Maipelo:my lord noo! Ba leka go go tsietsa kana batho ba na le madi ebile ba ka dira sengwe le sengwe go itshireletsa.
Mr Itumeleng:ehe ware sepatele sa Sabrana se dira tshenyetso sechaba? Do you have the Evidence?
Judge Basha:um Mr Itumeleng o ka neela prosecutor dipampiri tseo.
Mr Itumeleng:thank you my lord!
A bula beke ya gagwe a ntsha dipampiri a di neela prosecutor, ba di tsaya ba di seka seka.
After 6 minutes
Mr Basha:ke le mosekise mogolo ke sekasekile dipampiri tse! Mme di supa fa e le tsa nnete e se tsa fake, ka jalo Rre Jack Mogani o tla gololwa ka gore o dirile tiro e a sa itse bosula le molemo, case dismissed!
Prosecutor:all rise!
Ba ema ka dinao fela botlhe mo court gore mosekise a tswe!
Mr Itumeleng:you are a free man
Jack:ka leboga!
A mo atla, ba tswela ko ntle, a fitlhela basimane ba gagwe ba mo emetse! Fela fa a re o tsena mo koloing Baliki a mmitsa.
Baliki:Mr Modisana!
Jack a tswala lebati la koloi a leba ko go ene.
Jack:im sorry Baliki ke bolaile rrago ka phoso o utule akere gore court yareng? Sorry son.
Baliki:its okay! No problem! Fa e le gore ne e le thata ya modimo a go diragetse agona mathata, mme fa e le gore ne e se thata ya modimo batho ba tile go duela!
Jack:o raya jang? Are you threatening me?
Baliki:hehe im not threatening you! Just keep my words neh
A mo phophotha leheta a bo a tsamaya!
Jack:e le gore mothaka yole o raya jang Scorpion?
Scorpion:togela motho yoo o tla latela rragwe e se nako.
Jack a tsena mo koloing a bo ba tsamaya!
Ko Ga Modiri
Kedibonye wa lela o mo kamoreng ya gagwe, Baliki wa tsena!
Baliki:mama!
A thoka karabo!
A ya ko kamoreng ya mmagwe a mo fitlhela a lela, a fetla a khubama fa go ene!
Baliki:mama ka go tshephisa morabaraba yo wa ga Jack le lekoko la gagwe o tla tswela mo mpepeneng kena le tsala e berekang ko Sabrana ke rile a mpatele Doctor e neng e direla Jack mokwala.
Kedibonye:ngwanaka just let it go! Monna yole ke saatane o tile go go bolaya jaaka a bolaile rrago.
Baliki:ska wara ka nna mama, eseng ke tshela ke tla swa ke fetsa go sekela loso la papa
Mogala wa gagwe wa lela
Precious:hello Baliki
Baliki:yes Precious bua lenna.
Precious:Jack o ne a attendilwe ke Doctor Victor o tswa Ghana, he is a corrupt doctor!
Baliki:good! O chaisa nako mang?
Precious:ko tsena Gabs ka bo 7
Baliki:tell me when you are in Gabs, i wanna see you re tshwanetse go bua.
Precious:okay no problem! Im in your side! Batswakwa ba senya lefatshe la rona, he must be exposed a kobilwe.
Padi Ke Eo! Tobetsa Like&Comment
Mention Your Friend Le Simolole Lotlhe Go Bala