
04/04/2023
THIBAMO.⚠️
Thibamo ke fa ngwana a tsholwa ka fa go sa tlwaelesegang, a tswa ka maoto kgotsa a tswa a ribame. Seemo se se kgona go dira gore ngwana a tsholwe ka C section, mmaagwe a diriwe loaro go ntsha ngwana ka a sa kgone go tshola ka fa tlholegong.
GO BAKIWA KE ENG?✔️
*Go fetoga ga ngwana mo popelong a sa nne sentle mo mpeng ya ga mmaagwe(abnormal position). Fa ngwana a fetoga gao kake wa mo utlwa ke se goleng botlhokwa go nna o ya go bona gore a ngwana o ntse sentle kgotsa jang.
*Thibamo e emang botsogo jwa ngwana, ke fa ngwana a nale stress abo a kakela mo popelong ya ga mmaagwe(meconium), se se dira gore a hupele a bo a fetoga. Fa go ntse jalo ngwana o kgona go tsholwa makgwafo a gagwe a sa bereke sentle a hupela, morago a tlhokafale kgotsa a lwala asthma. Ngwana o kgona go thusiwa ke ba sepatela faa hupela a bo a siama fela a gola botsogo jwa gagwe bo siame.
Thibamo e gotweng ya alafelwa mo setswaneng ke yone ya ngwana faa sa heme sentle. Bagolo ba thusa ka fa ba itseng ka teng gore ngwana a seka a diragalelwa ke sepe se se maswe a kgone go tshela.