11/03/2025
Testimony time...
Kana my daughter who is tertiary student now fa a le monnye from preschool o ne a hupela tota (asthma) o ne a nna fela a lofetse skole, re nna fela re lofile ko ditorong re mo Isa dipatela. Nako nngwe a hupetse jalo, re itlhobogile gore ga re ye ditirong a bo a re raya a re, gompieno ga ke ye ko go Dr, founelang Moruti.... a nthapelle Modimo a mphodise. Ka setswana se ne se sa utlwale sentle nako eo o ne a re "mama le daddy, ga ke ye ko go Dr today, founa pastor moruti (semangmang) Modimo a nholise" waitse ra ema tlhogo. Nako e o tshwanetse a bo a ne a bala bo std 2. Re feletse re dumalana re le batsadi go tsamaya le tumelo ya ngwana. Ra dira jalo. A rapellwa over the phone. Ngwana yo o sale a Hola asthma. Le jaana ke ausi fela yo o ko tertiary, no asthma. Isn't God just amazing!!!