12/06/2025
KRAAIPAN - Mokhanselara wa ward 8 Mhletjwa Nqume mono Kraaipan kafa tlase ga masepaleng wa seleg*e wa Ratlou le komiti ya gagwe ba kopile kopano maabane,E e diegile ka metsotso e kanna 30, kopano e o e ne e solofetswe go tshimolola ka ura ya bobedi motshegare mono motseng wa Kraaipan kwa Kraaipan meusum mopatlelong. Maitlhomo a kopano eo, e ne ele ka ga merero ya tsa lefapha la Social development le go itsise baagi ka moeteledipele o moncha wa tsa tiro ya loago, Rre Ofentse Modirwa yo o tla tsweletsang pele tiro ya moeteledipele wa pele Ausi Tshidi yo wa go dirang ko kgaolong engwe ya Ratlou municipality , le maloko a mangwe atlileng go dira mo ward 8 ka malwetsi a loago (social illness).
Modirwa o dirile kwa motseng madibogo .
O tlhalositse ka ga ditirela tsa lefapha go baagi le gore baagi batshwanetse go tla ka makwalo itshupu go tla go tsenela dikopano tsa go tshwana le tse .
O ne a rotloetsa baagi go bega dikgetse tsa tirisodikgoka e e ikaegileng ka b**g , tiriso e e botlhaswa ya dithuso tsa loago le petelelo . O ne a gatelela gore ba dira segolo thata ka merero ya katlaatleloloago.
Re salefo
Mokhanselara Nqume o ne a totobatsa gore lefapha la katlatlelo loago le na le letlole le le tshwanetseng go dirisiwa ke baagi ka go ka kwadisa di NGO,NPO,NPC go ka nna le tshono ya go ka abelwa le tlole leo .
Le mororo
Baagi ba ne ba sa itumelela tshoganyetso ya kopano ya gompieno ka mokgwa yo e biditsweng ka teng. Batlhalositse fa batho ba le bantsi ba ba maleba ba sa iponagatsa go tsenela kopano ka ntateng ya tlhaeletsano e sa tsepamang ebile e sa ikanyege go ka fitlhelele sentle ko bathong .
Kopano e tsene sebaka sa gofeta diura di kanna pedi baagi ba eme ka maoto go sena ditilo.
Yo mongwe wa baagi o ikuetse go ba lefapha go ka tlisa ditirelo tsa go tshwana le skills development workshops le go Ruta sentle ka ga tsa merero ya tsa lefapha le ditshiamelo , gongwe le go ka dirisa mokgwa wa go ipalela ko g*e 'pamphlets ' go ka tswela baagi mosolo ka go dula bana le kitso e tletseng.
Yo mongwe wa baagi are bontsi jwa batho ba tsweletse go amogela thuso ya loago le fa e le gore ga ba tshwanela go bona thuso eo. Are seo se bontsha e le tsietso le botsukanape,
mme Ena o tlhalosa goya pele mo kgatisong eo .
*eMediaNews