19/03/2025
KOMISHINI YA DITSHWANELO TSA BOTHO E TSHWERE DITHEETSO TSA DI PATLISISO.
Mahikeng: Komishine ya ditshwanelo tsa botho mono porofenseng ya Bokone Bophirima, ene e tshwere ditheetso tsa dipatlisiso tebang le dikgwetlho tse di lebaneng dipalangwa tsa barutwana go tloga fa Mopitlwe a ne a tlhola matsatsi a le lesome nngwe go fitlha Mopitlwe a le lesome tharo kwa hoteleng ya Protea mono Mahikeng.
Mo puisanong le bobegakgang, mokomishenara Kwinana orile maitlhomo a seno ke gotla go tsaya ka tsebe se dipaki tse o di kwaletseng komishene ba mina ka nko ele nosi di bega ka kgatakako ya ditshwanelo tsa barutwana e ba reng e ba kwa ke mafapha a puso le baneela ditirelo ba banang le dikonteraka tsa go rwala barutwana go ba isa sekolong le go ba busetsa lapeng ba se bayang mo tafoleng. Kwinana a re komishene e laleditse bakhuthamaga ba ba amegang go tswa kwa lefapheng la thuto le lefapha pabalesego ya baagi la dipalangwa le fa gone ba sa netefatsa gore a e tla nna karolo ya seno. Kwinana o tsweletse ka gore lengwe la mabaka a a tlhotleleditseng gore komishene e laletse bakhuthamaga, ke go tla go utlwa go tswa mo go bone gore fa tlhogo ya lefapha e retelelwa ke go dira tiro e a e thapetsweng bone jaaka bakhuthamaga ke tsereganyo efeng e batlang ka yone jaaka ditlhogo tsa mafapha di ikarabela mo go bone ka tlhamalalo.
Albert Dazuka yo eleng mongwe wa dipaki tse di rebotseng bosupi, orile gareng ga tse dingwe tsa matshwenyego a bone ke go bona barutwana ba dirisa dipalangwa tseno ntle le batlhokomedi eleng se se ba kang tlhotleletso ya gore barutwana ba ba senang tsebe ba kgerise ba bangwe. Dazuka a re bo rra dipalangwa mo porofenseng ba ganelela kwa metse-magaeng le kwa dipolasing gonne ba itse gore ba kgakala le matlho a puso gona le ko motsesetoropong le kwa di toropong. Dazuka o tsweletse ka gore dipalangwa tseno dile mmalwa ga dina ditlankana tse di maleba tsa go rwala barutwana, ga di mo tseleng ebile maemo a tsone ka kakaretso ga ese ha a jesang diwelang. Dazuka o konoseditse ka gore barutwana ba marematlou ga ba kgone go tsenela dithuto tlaleletso tsa mo mosong le tsa tshokologo gonne go sena dipalangwa tse di betsweng thoko go ka ba rwala ba le bosi, mme seno ka nosi se ama dipholo tsa marematlou kwa bofelong jwa ngwaga.
Re sa le fo o modulasetilo wa maloba wa komititsamaiso ya sekolo kwa Moruleng Ofentse Gaitate yo le ene aneng a ntsha bosupi kwa ditheetsong tseno, a re ba tshwenyegile thata ka ntlheng ya dipalangwa tse di rwalang bana mme di sa sireletsega. Gaitate a re sengwe se eleng tlhoba boroko ke bakgweetsi ba ba sa nonofelang go tsamaisa bana mme puso e sa dire sepe go tsereganya mo ntlheng eno. O tsweletse ka gore ka motsi wa dip**a, ka setlha sa mariga le ka motsi wa dithole ka kgwedi ya Phatwe bana ba boga pogo e e ga isang ya ba Iseraele kwa Egepeto. Gaitate o kgadile ka bogale bo rra pharakano ba a reng ga bana mosola gonne ba itlhokomolositse seemo sa dipalangwa tseno tsa barutwana le mororo ba itse sentle ka ga tsone.
Kgabagare Rre Kunene eleng tlhogo ya lefapha kwa lefapheng la pabalesego ya baagi le dipalangwa, a re lefapha le boloditse dipatlisiso tebang le pegelo ya dituelo tse di dirilweng ka ngwaga wa kete pedi lesome robongwe. Kunene a re lefapha le tshwenngwa thata ke tlhwatlhwa e e kwa godimo ya kilomitara mo porofenseng fa e bapisiwa le diporofense tse dingwe, e e feleletsang e ba ka gore porofense e duela go feta gabedi.