DikgangMotsweding

DikgangMotsweding Boresetse | Tsele Le Tsele | Itlhabe Botlhale |
(268)

DIKGANG TSA SESHENG: LABOBEDI 29-10-2024Batlhankela ba setheo ba ba thusang basha ka matlole go simolola dikgwebo tsa bo...
29/10/2024

DIKGANG TSA SESHENG: LABOBEDI 29-10-2024

Batlhankela ba setheo ba ba thusang basha ka matlole go simolola dikgwebo tsa bona, NYDA ba buisana le bathati la lefapha la dikgolegelo go tsitsinya gore go phimolwe melato kgatlhanong le bao ba neng ba tshwarwa ka ntlha ya go ikgatholosa melawana ya bathati ba puso ya go laola metsamao ya baagi go thibela go anama ga coronavirus, dingwaga di le nne tse di fetileng. Motlhankela Mokhuduthamaga mogolo wa setheo sa NYDA, Asanda Luwaca a re basha ba le bantsi ga ba kgone go thapiwa ka fa ba santse ba seka melato eo. Bontsi jwa basha bano ke bao ba neng ba tshwarelwa go fitlhelwa ba tshwere bojalwa kgotsa ba sa tsenya mask. Luwaca a re seno se oketsa palo ya basha ba ba sa direng.

Reetsa dithulaganyo tsa rona tsa dikgang tsa sesheng go utlwa go ya pele.
- 06H00 (Monday - Friday)
- 19H00 (Monday -Friday)
- 13H00 (Saturday & Sunday)
: 87.9 - 107.9 DSTV #809
Channel: SABCDitaba

DIKGANG TSA SESHENG: LABOBEDI 29-10-2024Moeteledipele wa Botswana Congress Party, BCP, Dumelang Saleshando a re ba batla...
29/10/2024

DIKGANG TSA SESHENG: LABOBEDI 29-10-2024

Moeteledipele wa Botswana Congress Party, BCP, Dumelang Saleshando a re ba batla gore batlhankela ba commission ya ditlhopo ba rebole lenaane la batho ba ba ikwadiseditseng go tlhopa mo website ya bone jaaka ba ne ba dira mo ditlhopo tse di fetileng. Saleshando a re seno setla thusa go lemoga batho ba ba ikwadisitseng gantsi. Baeteledipele ba Botswana Congress Party ba tlhatlhetse dingongorego kwa kgotlatshekelo kgatlhanong le batlhankela ba commission ya ditlhopo. Baagi ba naga ya Botswana ba tlile go tlhopa kamoso. Saleshando a re mo di-pampiri tse ba di boneng tsa batho ba ba ikwadiseditseng go tlhopa, go nale batho bangwe ba ba ikwadiseditseng go tlhopa gantsi.

Reetsa dithulaganyo tsa rona tsa dikgang tsa sesheng go utlwa go ya pele.

- 06H00 (Monday - Friday)
- 19H00 (Monday -Friday)
- 13H00 (Saturday & Sunday)
: 87.9 - 107.9 DSTV #809
Channel: SABCDitaba
Pic Cred:

DIKGANG TSA SESHENG: LABOBEDI 29-10-2024Batlhankela ba setheo ba ba thusang basha ka matlole go simolola dikgwebo tsa bo...
29/10/2024

DIKGANG TSA SESHENG: LABOBEDI 29-10-2024

Batlhankela ba setheo ba ba thusang basha ka matlole go simolola dikgwebo tsa bona, NYDA ba buisana le bathati la lefapha la dikgolegelo go tsitsinya gore go phimolwe melato kgatlhanong le bao ba neng ba tshwarwa ka ntlha ya go ikgatholosa melawana ya bathati ba puso ya go laola metsamao ya baagi go thibela go anama ga coronavirus, dingwaga di le nne tse di fetileng. Motlhankela Mokhuduthamaga mogolo wa setheo sa NYDA, Asanda Luwaca a re basha ba le bantsi ga ba kgone go thapiwa ka fa ba santse ba seka melato eo. Bontsi jwa basha bano ke bao ba neng ba tshwarelwa go fitlhelwa ba tshwere bojalwa kgotsa ba sa tsenya mask. Luwaca a re seno se oketsa palo ya basha ba ba sa direng

Reetsa dithulaganyo tsa rona tsa dikgang tsa sesheng go utlwa go ya pele.

- 06H00 (Monday - Friday)
- 19H00 (Monday -Friday)
- 13H00 (Saturday & Sunday)
: 87.9 - 107.9 DSTV #809
Channel: SABCDitaba

DIKGANG TSA SESHENG: MANTAGA 28-10-2024Baeteledipele ba lekoko la Umkhonto WeSizwe ba re President wa lekoko Jacob Zuma ...
28/10/2024

DIKGANG TSA SESHENG: MANTAGA 28-10-2024

Baeteledipele ba lekoko la Umkhonto WeSizwe ba re President wa lekoko Jacob Zuma o tla dira boikuelo kgatlhanong le go kobiwa ga gagwe kwa lekokong la ANC. Zuma o kobilwe mo lekokong la ANC dikgwedi di le tharo tse di fetileng ka ntlha ya go ngokela lekoko la uMkhonto WeSizwe batlhopi, le mororo e santse e le leloko la ANC. Sebueledi sa lekoko la uMkhonto weSizwe, Nhlamulo Ndhlela a re Zuma o tla tswelela e le moeteledipele wa bona le fa a dira boikuelo kwa ANC. Go begwa fa Zuma a tlile go dira boikuelo tebang le go kobiwa ga gagwe mo bekeng eno.

Reetsa dithulaganyo tsa rona tsa dikgang tsa sesheng go utlwa go ya pele.

- 06H00 (Monday - Friday)
- 19H00 (Monday -Friday)
- 13H00 (Saturday & Sunday)
: 87.9 - 107.9 DSTV #809
Channel: SABCDitaba

DIKGANG TSA SESHENG: MANTAGA 28-10-2024President wa lekoko la ANC, Cyril Ramaphosa  a re fa ba ka setle ka maano a go sa...
28/10/2024

DIKGANG TSA SESHENG: MANTAGA 28-10-2024

President wa lekoko la ANC, Cyril Ramaphosa a re fa ba ka setle ka maano a go samagana le mathata a dikgotlhang mo lekokong la ANC - lekoko le ka se tlhole le nna gone. Ramaphosa o ne a bua kwa tirelong ya segopotso sa letsatsi le President wa maloba wa lekoko la ANC, Oliver Tambo a tshotsweng ka lone. Tambo o tlhokafetse dingwaga di feta some a mararo tse di fetileng. Tiragalo eno e tshwaretswe kwa Boksburg,kwa Ekurhuleni kwa Province ya Gauteng.

Reetsa dithulaganyo tsa rona tsa dikgang tsa sesheng go utlwa go ya pele.
- 06H00 (Monday - Friday)
- 19H00 (Monday -Friday)
- 13H00 (Saturday & Sunday)
: 87.9 - 107.9 DSTV #809
Channel: SABCDitaba

DIKGANG TSA SESHENG: MANTAGA 28-10-2024Baeteledipele ba mokgatlho wa mapodise le batlhankela ba kgolegelo le ba pharakan...
28/10/2024

DIKGANG TSA SESHENG: MANTAGA 28-10-2024

Baeteledipele ba mokgatlho wa mapodise le batlhankela ba kgolegelo le ba pharakano, POPCRU ba batla gore go dirisiwe manaane a go thusa mapodise go samagana le malwetsi a amang tlhaloganyo. Boikuelo jwa bone bo latela palo e ntsi ya mapodise ba ba ipolayang ka ntlha ya malwetsi a amang tlhaloganyo. Ngwaga e fetileng ba POPCRU le ba SAPU ba ne ba rebola pegelo e bontshang fa e le mapodise ba le makgolo mararo ba ba ipolaileng ka ntlha ya malwetsi a amang tlhaloganyong magareng ga 2017 le 2023

Reetsa dithulaganyo tsa rona tsa dikgang tsa sesheng go utlwa go ya pele.

- 06H00 (Monday - Friday)
- 19H00 (Monday -Friday)
- 13H00 (Saturday & Sunday)
: 87.9 - 107.9 DSTV #809
Channel: SABCDitaba

DIKGANG TSA SESHENG : SONTAGA : 27-10-2024Tona ya Boitekanelo, Dr Aaron Motsoaledi a re ba  konosetsa go dira diteko tsa...
27/10/2024

DIKGANG TSA SESHENG : SONTAGA : 27-10-2024

Tona ya Boitekanelo, Dr Aaron Motsoaledi a re ba konosetsa go dira diteko tsa chemical e ba e fitlheletseng malatsi a le mabedi a a fetileng. Seno ke go latela gore go tshwarwe batho ba le bane bao ba fitlhetsweng ba tshwere chemical e e kotsi e e naleng botlhole. Bangwe ba beng ba di-spaza shop ba netefatsa fa ba reka di-chemical tseno. Go sale gale kgwedi eno, bana ba le barataro ba ne ba tlhokafala kwa Naledi kwa Soweto gaufi le Johannesburg go latela gore ba je di-snacks tseo ba di rekileng kwa spaza-shop. Tona Motsoaledi a re baitseanape ba ba maleba ba dira diteko. A re dipholo tsa diteko di tla itsisiwe kamoso.

Reetsa dithulaganyo tsa rona tsa dikgang tsa sesheng go utlwa go ya pele.
- 06H00 (Monday - Friday)
- 19H00 (Monday -Friday)
- 13H00 (Saturday & Sunday)
: 87.9 - 107.9 DSTV #809
Channel: SABCDitaba

DIKGANG TSA SESHENG; SONTAGA : 27/10/2024Tonakgolo ya North West Lazarus Mokgosi a re bathati ba puso ya province ba bap...
27/10/2024

DIKGANG TSA SESHENG; SONTAGA : 27/10/2024

Tonakgolo ya North West Lazarus Mokgosi a re bathati ba puso ya province ba bapaditse diphatlhatiro di feta makgolo a le 250 mo mafapheng a puso. Mokgosi a re seno ke bontlha bongwe jwa leano la bona la go fokosa go sa dire ga batho mo province. Dipalopalo tsa sesheng tse di ka ga go sa direng ga batho di bontsha fa province e le kwa godimo ka di-percent di le 54 ka batho ba ba senang ditiro. Mokgosi a re ba tlile go netefatsa gore batho ba thapiwa sentle le go nna le ditlhokego tsotlhe tse di tlhokegang.

Reetsa dithulaganyo tsa rona tsa dikgang tsa sesheng go utlwa go ya pele.
- 06H00 (Monday - Friday)
- 19H00 (Monday -Friday)
- 13H00 (Saturday & Sunday)
: 87.9 - 107.9 DSTV #809
Channel: SABCDitaba

Address

Mordiri Molema Street
Mmabatho

Alerts

Be the first to know and let us send you an email when DikgangMotsweding posts news and promotions. Your email address will not be used for any other purpose, and you can unsubscribe at any time.

Contact The Business

Send a message to DikgangMotsweding:

Share