Ratlou Daily News Feed

Ratlou Daily News Feed Events coverage
(1)

Dikgang tsa loago la mmasepala wa selegae wa Ratlou ,Tswaing le sedika sa Ngaka Modiri Molema, re tsenyeleditse le dikgang tsa porofense ya North West go akaretsa naga ya Aforika Borwa.

SEPODISE SE THOPILE DIBETSA TSE DISENG KA FA MOLAONG.Madibogo: Ba belaelwa ba le bane eleng Tumelo Gompe wa dingwaga dil...
11/12/2025

SEPODISE SE THOPILE DIBETSA TSE DISENG KA FA MOLAONG.

Madibogo: Ba belaelwa ba le bane eleng Tumelo Gompe wa dingwaga dile masome a mane nne (44), Tshepiso Mangate wa dingwaga dile masome a mane tharo (43), Rasake Matsapa wa dingwaga dile masome a mararo tharo (33) go akaretsa Sefatsa Ramokoni wa dingwaga dile masome a mabedi robedi (28) ba ne ba tlhageletse fa pele ga kgotlatshekelo ya sedika ya Vryburg fa Sedimonthole a ne a tlhola matsatsi a le lesome, mme ba busediwa mo diseleng go fitlha ba tlhagelela gape fa pele ga kgotlatshekelo eno fa Sedimonthole a tla be a tlhola matsatsi a le lesome tlhano monongwaga.

Seno se latela morago ga go tshwara ka Mosupulogo bosigo fa Sedimonthole a ne a tlhola matsatsi a le robedi monongwaga kwa Vryburg ka ditatofatso tsa go tshola dithunya tse di seng ka fa molaong, matlhatlhela go akaretsa maikaelelo a go bolaya.

kgabagare sepodise sene sa amogela tshedimosetso ka ga sejanaga se se sweu sa modiro wa Ford Ranger se seneng sena le bapalami ba le bane ba baneng ba belaetsa ebile sene se lebile kwa Ganyesa ka maikaelelo a go ya go bolaya. Ditlhopha tsa sepodise di akaretsa Tactical Response Team (TRT), Public Order Police (POP), le Visible Policing di ne tsa tsweletsa letsholopatlo mo kgaolong eo ka maikaelelo a go tshwara ba belaelwa.

Re sa le fo o sepodise sene sa bona sejanaga seno se seneng se belaetsa kwa karatsheng ya leokwane kwa mmileng wa Market le do se phuruphutsa, mme sa fitlhela ditlhobolo Dile pedi le matlhatlhela di fitlhilwe mo sejanageng. Bapalami ba ne ba palelwa ke go tlhalosa kgotsa go tsaya maikarabelo Mme ba ne ba tshwarwa ka gangwe ka ditatofatso tsa go tshola dithunya le matlhatlhela go se ka fa molaong.



MOKHUDUTHAMAGA MOLAPISI O TLOTLOMATSA PICC.Madibogo: Mokhuduthamaga wa lefapha la Cooperative Governance, Human Settleme...
11/12/2025

MOKHUDUTHAMAGA MOLAPISI O TLOTLOMATSA PICC.

Madibogo: Mokhuduthamaga wa lefapha la Cooperative Governance, Human Settlement and Traditional Affairs Oageng Molapisi o akgotse maloko a Provincial Initiation Coordinating Committee (PICC) morago ga go tsiboga ka bonako jo bo sitang polelo ka go falosa barupisiwa ba le masome a marataro nne (64) ba ba akaretsang banna le basadi le go tswala mephato kgotsa dikolo tsa setso ele metlhano e eneng e tsene mo di dikeng Dile tharo.

Letsholo leno le le atlegileng le le simolotseng mo bekeng e e fetileng le akareditse di dika dile tharo tse di amegileng eleng:

• Dr Kenneth Kaunda- Banna ba le lesome nne (14)
• Ngaka Modire Molema- Banna ba le lesome tlhano (15)
• Dr Ruth Segomotsi Mompati- Banna ba le masome a mabedi nne (24) le basadi ba le lesome nngwe (11)

Kgabagare Molapisi a re maloko PICC a tsibogile ka nepo le potlako le go dira tiro e e manontlhotlho ya go netefatsa fa barupisiwa ba bolokesegile. o tsweletse ka gore fa go tliwa mo go itepatepanyeng le dikolo tsa setso tse di sa kwadisiwang le tse diseng ka fa molaong bone jaaka porofense ga ba ingwaelwe matsetse. Molapisi o ikuetse mo baaging go bega dikolo tsa setso tse di sa kwadisiwang ebile di se mo molaong.

Re sa le fo oo kaile fa lefapha mmogo le PICC ba dirile ka batla pele ga setlha sa thupiso sa selemo se simolola go ruta bo Rramophato le Bomma mophato ka ga melawana e ba tshwanetseng go e sala morago pele ga ba bula mephato, mme bao ba sa obameleng melao eno dikolo tsa bone di tlile go tswalwa.



11/12/2025

Big shout out to my new rising fans! Tumie Sehloho, Mokai Seleke, Mogomotsi Setsetse

11/12/2025

Big shout-out to my newest top fans! Itemogeng Kerapelang, Mamsy Molaotsi Molehe, Kediemetse Mogogana, Mary Mat, Christina Nana, Thabang Sereo, Osiame Ore, Khathaza Amanyemadoda Nkunzi Ebovu, Lesego Lesego, Girlagain Kgori Kedumetse, Matilda Shawe, Rre Gontse, Onathatile Vicky Tlharipe, Joe Motlhaping, Goratileone Orifile Kutlwano Bosman, Shezmia August, Mathilda Lebo, Lentswe Modisane Babuang Kelopaone, Obakeng Bole Jerry, Tshepi Daly, Lizzy Kopore, Modisa M'du Kgwele, Oratile Onthatile Oreratile, Buti Reconcile Motjale, KeNna Sarafinah Ohm'Short, Danga S Mongwaketsi, Thabang Gadiiphi, Victor Phokompe, Nonong Lenah, Simangaliso Dediva, Monnye Dorcus Ramokoka, Gift Shabeng, Tshidiso Mogatlanyane, Esaleone Basi, Boituza Bosae, Nurses Mase, Tshidi Makekeng, Ogone Soso, Zakhady Last Born Masisi, Ka Tle Go, Orulagantse Pop's Dinku-Sethaelo, Kelebogile Magdeline, Keolopile Tshwenyego, Thapelo Kingston P**e Gasetswane, Thabiso Nawa Mkhize, Matshidiso Monchonyane Tshidaks

29/11/2025

Mafoko a gompieno

Tse o di utlwang ka batho di sa go nyemisa mooko, batho ba teng ebile ba tla dula ba bua ,wena lebelela tsela ya gago ,lebelela moputso wa gago ,ko bofelong Modimo ke ena a tsayang tshweetso.

inspired by Tshedimosetso Matlhaku
Follow his page 💯

Goeletsa moagi re lentswe la gago!!!

POLAO YA MOLEKGOTLA WA MALOBA WA ANC.KLERKSDORP:Molekgotla wa maloba wa ANC mono North West Tebogo Sepale wa dingwaga di...
28/11/2025

POLAO YA MOLEKGOTLA WA MALOBA WA ANC.

KLERKSDORP:Molekgotla wa maloba wa ANC mono North West Tebogo Sepale wa dingwaga dile masome a mane le botlhano ,o bolailwe setlhogo kwa motse-setoropong wa Kanana gaufi le Orkney kwa Klerksdorp.

Go begwa fa setopo sa ga Sepale ,se bonwe mo di ureng tsa mo mosong ka ura ya boraro se rapaletse mo thoko ga mmila wa Matsi gaufi le lebala la metshameko, sebueledi sa sepodise mono North West Colonel Adel Myburgh a re setopo sa ga Sepale ,se fitlhetswe ka dintho tsa go thuntsiwa mo tlhogong ,mme ba ditirelo tsa tshoganyetso ba ne ba bega fa a tlhokafaletse mo lefelong la tiragalo.

Kgabagare ,ka ngwana 2023 ,Sepale o ne a tshwarwa morago ga go anama ga kgatiso ya video eo mo go yone a neng a bonwa a dira ditiragalo tsa thobalano le ngwana wa dingwaga tse di kwa tlase ,o ne a lebanwa ke ditatofatso dile mmalwa di akaretsa tshotlakako ka thobalano ,petelelo ,go akaretsa go tsaya kgatiso ya video ya ditiragalo tsa thobalano ,o ne a tshwarwa mme morago a gololwe ,o tlogela lefatshe le le ka kwano a kgaogane le lekoko la ANC le go ikgolaganya le lekoko la Umkhonto weSizwe.

Goeletsa moagi re lentswe la gago!!!

28/11/2025

Matlala angry at the ActionSA MP Dareelen James ,accusing him for lying


Address

Mafikeng

Opening Hours

Monday 08:00 - 17:00
Tuesday 08:00 - 17:00
Wednesday 09:00 - 17:00
Thursday 08:00 - 17:00
Friday 08:00 - 16:00

Telephone

+27640995026

Alerts

Be the first to know and let us send you an email when Ratlou Daily News Feed posts news and promotions. Your email address will not be used for any other purpose, and you can unsubscribe at any time.

Contact The Business

Send a message to Ratlou Daily News Feed:

Share